1. O tiile jang mo theo, Baitshep’ ba Morena,
O beetswe tumel’ mo lefokong lagwe!
Aka buang go feta se a se buileng
Gore go Mmoloki gore go Mmoloki
Gore go Mmoloki ke botshabelo.
2. Mo boemong botlhe malwetseng, bophelong,
le mo lehumeng, le mo dikhumong,
Mosej’ kgots’kwa gae, lefatsheng kgotsa lewatleng
Jaa ka malatsi aka’tlhok’ malatsi a tlhok’
a’ tlhoka thuso ya go e tla nna teng.
3. Se tshabe ke na nao, oo se gamarege,
Ke le Modimo mme ka go tshegetsa.
Ke tla go tiisa ke go thus’ go emelela
ke ’tshware ka molemo, ke lo tshware ka molemo
ke le tshwar’ ka molemo, bogo je molemo.
4. Mo metsing a boteng fa ke re lo tsene
Dinoka tsa bohutsana di ka se le tseye
ke tla nna le lona ke lo tshegofatseng
ke lo itshepisa ke le itshepisa
ke le itshepisa lo le tlalelong.
5. Fa tsela tsa lona di wela ’tekong
tshwaro yame e ntse e tla lekana
molelo o ka se le utlwise botlhoko
malele a tla sa go sa le ga gauta.
6. Batho ba me ba tla gola ba tsofale
lorato lwame lo ka se fetoge
fa moriri o mosweu o kgabisa ditlhaa.
Jaaka dikonyana, Jaaka dikonyana
Jaaka dikonyana mo hubeng same.
7. Mewa e e neng e ikaegile ka Jesu
Ga nkitla ka e tlogelela baba ba gwe
Mewa e lefa dihele di e tshikinya
Ga nkitla, ga nkitla, ga nkitla, ga nkitla
Ga nkitla, ga nkitla ke e tlogela.
Mafoko: Attr. to Robert Keen, Ca 1787, E Tsentswe mo bukeng ya ntlha ya
Difela ya 1835 Pina: Aron, Ca 1889 Att to J. Ellis, ca 1889